• No results found

KGAOLO 5

N/A
N/A
Protected

Academic year: 2021

Share "KGAOLO 5"

Copied!
125
0
0

Bezig met laden.... (Bekijk nu de volledige tekst)

Hele tekst

(1)

KGAOLO

5

5.0 KGOS/ISANG PILANE

5.1 MATSENO

Kgosi lsang Pilane ke padi ya boraro e M.O.M. Seboni a e tlharnileng.

Mo go yone, rnokwadi o ranola bophelo jwa ga Kgosi !sang Pilane yo o busitseng morafe wa Bakgatla ba ga Kgafela kwa ga Motshodi mo lefatsheng Ia Botswana go simolola ka 1920 go fitlha ka 1929.

E farologana le Ramrnone wa Kgalagadi ka gonne yone e le bayokerafi rnrne Rammone wa Kgalagadi e le lokwalo lwa moikwadi.

Boammaaruri ke gore Kgosi !sang Pilane e ne e le motshwareledi wa ga Molefi mo bogosing. Melebo e e urnakilweng rna kgaolong ya boraro e tla tsenngwa rno tirisong mo tshekatshekong ya bayokerafi e.

5.2 DINTLHA TSA MAITSHETLEGO MO GO KGOSIISANG PILANE

5.2.1 BAANELWA MO GO KGOS/ISANG PILANE

Go ya ka Malope (1977:97), semelo sa baanelwa se tshwanetse go tshwana le sa batho ba ba tlhodilweng mo setshwanong sa Mo<iimo.

Fa a bua jaana, o lebisitse puo ya gagwe mo ba()nelweng ba ba ipopelwang ke mopadi.

Mo go Kgosi lsang Pilane, mokwadi wa bayokerafi e, o kwala ka ga rnotho yo o kileng a tshela mo gare ga batho ba bangwe. a sa mo ipopela.

Brink (1987:69) o bua ka ga 'Referensiele karakters' mme lsang, ka temogo ya me, o wela mo setlhopheng se.

(2)

A. Moanelwamogolo

a.

Mokwadi o mmona jang?

i.

Morwa wa kgosi tot a

Morwa wa kgosi e e tlotlegang ya Bakgatla, Lentswe. Le mororo go ntse jalo, o godisitswe fela jaaka basirnane botlhe ba nako ya gagwe.

" . . . a tsena thuto yotlhe ya letso Ia Setswana e ka yone a rutileng go tshegetsa ka boamrnaaruri mekgwa ya tlholego, e e thusang go bopaganya le go nonofisa r:norafe" (p.3).

ii. lsang o tsene sekolo ka tlhomamo mme o botlhale

Go ya ka mokwadi, o simolotse sekolo a rutwa ke mohumagatsana Murray; moraga a ya kwa Malolwane kwa a rutilweng ke rnoruti Thomas Phiri teng.

0

tlhalosiwa kwa sekolong sa Zonnebloem e le moithuti yo o botlhale thata. Ka 1903 o fetsa a falola setlhopha sa borataro rnme rnorago ga moo o ithutela go oketsa kit so ya gagwe fela.

"A dira jalo go fitlhela ka 1906; a fitlhelwa a kgarakgatshega le ntlo ya dibuka jaaka pholo ... " (p.7).

iii. Ke moithuti yo o pelotshetlha

Ka ntata ya tsalo o bone ts hono ya go thuma mo didibeng tsa thuto go gaisa ba!ekane ba gagwe.

'~ ... a petlaka tsa melao y;:t Seroma le Suburu le Seesimane a di bala. A nwelela go tse eli 8manang le rnekgwa le maele a Bantsho ba Aferika" (p.7).

(3)

-117-iv. Ke kgosi e e rutegileng, e e botlhale

Mokwadi o rna senoia jaaka kgosi e e botlhale mme e bile e rutegile. Le rnororo a rutegile o tlotla segagabo.

"Ka tlhakanyo ya rnolemo wa thuto ya dikwalo le ya Setswana, o supa tlluto e e fetang ya ba ba mo clikanyeditseng. a 1111a molatedi le rnolotolotsi wa

me lao, mekgwa le dingwao tsa segngabo" (p.11 ).

v. Kgosi e e ratang tswelelopele

0 tlhalosiwa e le kgosi e e ratelang morafe wa yone tswelelopele. Segatlhamelamasisi se se sa boifeng sepe fa se lebile kwa pele, bogolo jang, fa a le mo nneteng.

"!sang a se ka a tshaha gore go tla twe o intlnfatsa mo matlhonq a morafe karnpo gore go tla twe o llutsa rrnagwe 8 m 8 tie 8 buse . . . " (p.12).

vi. Kgosi ya modumedi mme e le sethubaki

lsang ke kgosi ya modumedi mme o clumela fa bokeresete bo ka tol<.afatsa maerno le bophelo jwa rnor<'lfe wa gAgwe.

Gape e ne e le rnot11o yo o se nang poifo.

"!sang kana e ne e se motlwnyana. e se

kqosi·ke··efp-re-e

-

durw~dise

;

e ne e le sethubaki, segarurnecli,

s0ga~Jodi.

111lTlP ·a tsllw;:ma le naledi e e lal<aselang rno loapinq qo pllntlalatsa lefifi le le bol<ete ka phatsimo le kgalalelo ya yone'' (p.16).

vii. Kgosi e e ratang tlhago

Mokwadi o mo senoia e le kgosi e e

ratnll~J

tlhago mrne e sa rate fa ditlhare di ka rengwarengvva fela ntle le lehaka. 0 ne a dumela fa di ntlafatsa naga.

"Ditlllare di na le thuso P kgolo rno diphologolong fa letsatsi le eme'' (p.20).

(4)

-118-viii. Kgosi e e ratang tshiamo le tlhamalalo

lsang ke kgosi

e e

ratang gore morafe wa gagwe o dire dilo tse di siarneng.

"A kgalemela mokgwa wa bana le bagolo ba ba neng ba leka go itlwaetsa one wa go kopa kwa diteiseneng" (p.24).

ix. Seithati

Mokwadi o mmona

e

le manna wa seithati. yo o ratang bontle. Tota le ene ka sebele o ne a itlhokornela thata.

"Ditedu di ne di beolwa ka moso le moso, go tlogelwa tsa seledu le tse eli fa godirno ga molorno tse e rileng di gol8 !sa phuthologela kwa rnathokong mme tsa gala tsa nna mathimots8 ka ntlha ya go otlhiwa k8 metlha. Bale-kane ba gagwe ba Maburu ba rnmitsa "clrie baard" ... " (p.30).

x

.

Motho yo o pelokhutshwane

lsang o ne a filwe pelo e khutshwane thata. rnme mo rnabakeng a mangwe e rate go mo dirisa diphoso.

"Le mororo mo botshelong a ne a filwe legala le relo e khutshwane, rna tirong e nee le lekaba le le bokgwabo le ipolaisang merwalo" (p.30).

vi. Kgosi e e ratang kagiso le kutlwano

lsang o ne a rata kagiso thata. mrne batho ba gagwe ba mrnitsa rrakagiso.

". , . e ne e le motsereganyi, rr<'lkagiso, rnonamoledi le rnoagisani yo o thusitseng go tima melelo ya khuduego ka go e phophotha dikgabo, rno merafeng e mengwe ya Setswana" (p.31).

(5)

-119-xii. Mogaka wa phetakapejane

lsang o tlhalosiwa ke mokwadi e le manna wa setswerere, mogaka wa phetakapejane.

" . .. e kete yo o ka tsayang rnaerno a gagwe le gornpieno ga a ise a tsalwe. !sang yo e neng e se rnothonyana e ne e le motho wa popota, rnonria mo gare ga banna, kgomo e nkgwe e e rnakuka, monna wa mophato wa Matshetshele" (p.31).

xiii. Kgosi e e bogale

Mokwadi o rna senoia a ne a le bogale thata rna pusong ya gagwe .

. Le rnororo a ne a rata kngiso, ka dinako bogale jwa gagwe bo ne bo bolaisa legatlapa mala.

"Batho ba rnorafe wa gagwe ba ne ba mrnitsa rnoratakagiso le fa a ne a le · bogale jwa tladi e bana ba anywelang leratlatleng Ia yone. 0 ne a se bogale

a le esi mrne o ne a le bogale jaaka dik~Josi tse dingwe . .. " (p.31).

xiv Motho yo o se nang boipusolosetso

Fa a se na go atlholelwa go ntshiwa mo rnorafeng wa gagwe, lsang o ne a utlwa botlhoko go fitlha kwa botennye jwa pelo, mrne a se ka a ipusolosetsa.

"Pelo e nee tutetse, e rwele botlhoko jwa ntho e e gabukilweng ke lerurno Ia tshipi e ntsho; . . . 0 ne a sa rate go dira sepe se se bidiwang boipusolosetso gonne a tlhalogantse e le pele fa ruri setshwarwa ke ntswa pedi se se thata .. . (p.36).

xv.

Motho jaaka botlhe

0

tlhagelela e le motho jaaka mangle rnang, go ya ka mokwadi.

(6)

-120-"Fa a ne a ka bo a tshedile a sa kaiwe ka rnokgwa ope wa go tlhoka go itumedisa batho botlhe, e ne ~ tla bo e se motho wa nama, gonne le Morwa-Motho e rile a le fa gare ga batho, bn ik.nna fa ba rnmone a leofa l<a go ja le baleofi" (p.46).

b. Batho le baanelwa ba bangwe bone ba mrnona lang?

i. Mophato wa Mats hets hele o mmona e le moeteledipele wa nnete

Ba mo tsaya jaaka rnoeteledipele wa nnete mme ba ikgantsha ka boeteledipelejwa gagwe.

" . . . mophato wa gag we wa Mats hets hele o o neng o ipel<tfatsa thata ka moetapele wa one ... " (p. 4).

c.

lekgotla Ia kgakololo le mmona jang?

Lekgotla Ia Kgakololo le a neng a le tokololo ya lone, le ne le mo kaa jaaka tokololo ya popota.

"Kwa phuthegong ya Lekgotla Ia Kgakololo Motlotlegi a bolela a mo latola ka

khutsafalo, a re ... Lekgotla leno le latlhegetswe ke nngwe ya clitokololo tsa lone e e neng e itsege, mme e tlotlegile Illata tllata'' (p.57).

d. Molefi o rnmona jang?

Kgosi Molefi o bona lsang a tlhoka boikobo le boikokobetso fa pete ga gagwe. 0 sekisediwa go sa ikobeleng puso ya ga Molefi. mme rnorafe le ba-Mrnuso ba erna Molefi nokeng gore !sang a atllwlwe.

"Kwa moraga a atlholelwa rnolato wn go sa ikobeleng rnorwamogolowe ka go lefisiwa dlranta tse di rnakgolo a a supileng, a b8 a lelekwa mo rnotseng dikgwedi tse thataro, a tla fela ka tetlelelo e e duleng mo bogosing" (p.35).

(7)

··121-Baanelwa ba bangwe

Moruti Thomas Phiri

Mokwadi o mo umaka fela e le morutabana yo o rutileng lsang kwa Malolwane.

Motlapele

Motlapele, mmaagwe lsang, o tlhagisiwa ke rnokwadi e le motsala !sang. Go utlwala e ne e le mosadi wa nnete a erne rnonna nokeng ka dinako tsotlhe.

ii. Moruti Neethling

0 tlhalosiwa e le mongwe wa batho ba ba rulaganyeditseng lsang go ya sekolong.

v.

Moruti Beyer

0 senolwa e le moruti wa kereke ya bororniwa mo motseng wa ga Motshodi.

"!sang o sirnolotse go tsenela tu111elo ka ~10 kolobediwa ke Moruti Beyer wa kereke ya Maburu ... " (p.4).

v. Molefi

Mokwadi o mo supa a le setlhogo, a se na tebogo, mme e bile o mo tshwantshanya le mookana o o tlhabang rnotho, yo o o tlhagoletseng. 0 ilana

le lsang.

"Ga latela kgang e boemong jwa go tlisa kutlwano fa gare ga bana ba ga Lentswe, e kukeditseng molelo wa go ilana . .. ·· (p.34).

0 leleka !sang rno motseng. !sang o utlwisiwa ke kgato e, botlhoko thata.

(8)

-122-"Ya nna batlhaka ja ba gaisang jwa dintha tsatlhe ka e le ntha e e gabukilweng ke segai sa ngwana a fafatsa rraagwe, e le batlhaka jwa mrnutlwa wa maakana a a a tlhagaletseng ya re a gala wa rna tlhaba" (p.35).

Pidio Matlhodi Pilane

0 $enolwa ke mokwadi e le mogatsa lsang. itumedisang.

Motho yo o maitseo ·a

"Le ene a ne a gadiseditswe ka fa taalong le kgapa'ng ya Setswana mme a kgatlhile bantsi ka rnaitsea a a tlhakaneng le baikakabetsa ja ba supang tsalega ya ngwana wa batha'' (p.63).

ii. Dikolo

Mokwadi o mo kaya e le:

motho yo o betlegileng, yo o pelo e bonolanolo,

- senatla mo tirong le mo dithutong tsa tlhaloganyo le rna go tsa diatla.

- motho wa mrnala yo mantle, wa rnaretlwa wa lekgabana.

- senatla 1110 tlhoko111elong ya diaparo le 111rnele wa gagwe.

- sekai 1110 baneng ba bangwe.

111ongwe wa baithuti ba ntlha ba lefatshe Ia Tshireletso kwa

Fori

Hare.

- ngwana yo o 111aitseo a eletsegang.

"Ya re ka rnaitsea a gagwe a a lebi'lneng marwadi Wi'l kgasi a nna sekai sa masalela a bana ba kgasing ... '' (p.25).

(9)

-123-- botshelo jwa gagwe bo khutshwafadiwa ke loso lwa tshoganyetso.

"Wena, leso Ia gagwe, yo o tlileng ka tshoganyetso e e keteng ya go betsa ga tladirnothwana ... " (p.26).

viii. Bangwe ba baanelwa

Bangwe ba baanelwa,

e

bong Kgafela, Ofentse, Radikolo, Bogatsu, Bone ba umakwa fela.

ix. Bana ba bangwe ba ga lsang

Sana ba, le bone ba urnakwa fela. Bone ke:

- Sepate - Motlapele - Mantlo - Maneke - Tshinangwe - Ntshadi x. Basimane ha gag we

Le bone ba umakwa fela. Bone ke

- Ramono

- Lentswe

- Mokgatle le

- Mmamogale.

(10)

-124-Mokwadi ga a itshwenye ka go tsenelela sernelo sa baanelwa gonne padi e, ke bayokerafi. Mo bayokerafing kgatelelo yotlhe e wela mo rnoanelweng yo mogolo ka e le ene yo go kwalwang ka ga gagwe.

Mo bayokerafing e, rnokwadi o kgonne go tlhagisetsa babadi ka tlhamalalo gore kgosi lsang Pilane e ne e le motho wa rnothale ofe.

Mokwadi o supa ntle le pelaelo gore o tlhaloganya lsang sentle.

5.2.2

KAROLOGANYETSO YA BAANELWA KA SETHALO

Karologanyetso ya baanelwa mo go Kgosi !sang Pilane e ka tlhagisiwa jaana ka sethalo go ya ka sekao saga Greirnas (1971:165):

-Molefi

-Baganetsi bangwe

....

Karolo ya rnorafe ·

5.3.0

NAKO MO

GO

KGOSI /SANG PILANE

5.3.1 PAKA Kgosi lsang

lM

inaDikolo

Sana ba bone / Karolo ya rnorafe /

,

l<gosi lsang Pilane jaaka e le bayokerafi, e kvv<ldilwe ka pC!kaphetlli Je paka e e retileng. Temana ya boraro fela e setse e supa ntlha e:

"Rraagwe I sang Pi lane e ne e le k~Josi e kgolo y;:~ Bal<oatl;:~ ba ga l<gafel<'l ... " (p.1). -125

(11)

-Mokwadi o ne a tlamega go dirisa dipaka tse ka

a

tlhamile bayokerafi e, lsang a setse a iketse badimong.

"Kgosi e kgolo le mohumagadi ba tshotse ngwann yo, pele ba sokologela rno turnelong ya kereke" (p.1 ).

5.3.2 MALATSI LE NAKO YA LETSATSI

Fela jaaka mo go Rarnrnone wa •<.galagadi. mokwadi o farologanya dinako tsa gagwe rno rnabakeng a a sa tshwaneng.

Fa a bua ka ga botsalo jwa ga lsang. Seboni a re:

"Ngwaga e nee le ka 1884, rno lebakenq Ia kagiso le boiketlo eli sa tlhole eli itsiwe rno mafatsheng a Bantsho le a Bnsweu a jCJanong a kopantsweng go cfira Kopano" (p.1 ).

Go arna nako ~Ja mokwadi, re go bona gape fa a re:

"E rile rraagwe a sena go sokolo~Jela mo tumelong ya kereke, e ne e ka nee le ka ngwaga wa 1892, a aga kereke ... " (r).4).

Mokwadi o tswelela ka go re:

"Go tie go gakologelwe gor~ fa gare ga 1901 le 1903 go ne go lr:> mad,rbeclube mo lefatsheng Ia Aferika Borwa ka ntlha ya ntwa e e setseng e boletswe" (p.6).

Go setse go le mo pepeneneng gore nako e na le seflbe se segolo tllata rno pading e.

Fa a tlhalosa sebaka se lsang a se ntseng kwa sekolong a bala dikwalo, mokwadi are:

"A dira jalo go fitlhela 1906; a fitlhelwa a kgarak~Jalshega le ntlo ya dibuka jaaka pholo ... " (p.7).

(12)

-126-Nako e lsang a tsereng rnarapo a puso ka yone, le e a tlogetseng bogosi ka yone, e urnakilwe.

"Ka nako ya tlala le leuba dinokopila, ditlhaletlhale tsa mahoa di a latlhana·· ([).19).

Le rno botshelong jwa letsatsi le letsatsi jwa ga lsang, nako e ne e le botlhokwa thata.

"Ditedu di ne di beolwa ka rnoso le moso, ga tlogelwa tsa seledu le tse eli fa godirno ga molomo ... " (p.30).

Fa a bua ka ga rnarang a a neng a beqa tshimologo ya rnatshwenyego a ga lsang mo bogosing, Seboni a re:

"Ga feta dingwaga tsa kagiso eli se k<w. pPie ga go tsoga makubukub11" (p.32).

0 tswelela ka go re:

''E rile ka kgwedi ya Dipllalane rno ngwngeng wa 1929, lsr~nq Pilane a ipelegolola morwalo kgotsa mokgweleo o o bokete W8 go etelela rnor8fe pele" (p.33).

Mokwadi fa a tlhalosa lsang Pilane rno letsatsing Ia tsheko ya gagwe a re:

"Mrne ka letsatsi le, o ne a tsllwana le poo e dikilwe ke dipoo tse dinqwe'' (p.:H).

Fa a arna katlholo ya ga lsang. rnokwadi n re:

"E rile pele ga katlholo ya gaqwe .. . rna~Joclimo a tobekana le rnororo lo8pi lo ne lo le lobududu go sa bonale lerur1yana le le k8 tlisAng pula" (p.34).

Mokwadi fa a bua ka ga lsang le Kopano a re:

"Nako e ne e le fa moraga ua clingw<'lga tsa leuh;:~ le legolo ... " (p.38).

(13)

-127-Fa a urnaka ka ga loso lwa ga lsang, Seboni a re:

''Ga go gakgamatse gore e re motlhang o suleng, !sang wee. o phuthaganelwe ke dits llaba tsa lefatshe!" (p.48).

Mokwadi gape o arna nako fa a bua ka go tsena rna kantorong ya rnomfe ga lsang. 0 tswelela ka go re:

"Ya re ka 1916 fa rnogolowe a se na go bilecliwa kwa baclimong, lsang a tsewa a tsenngwa mo ofising ya kgosi .. . " (p.10).

Fa a digela botshelo jwa Mokgatla, Seboni a re:

"Mo nakong e khutshwane ya dingwaqa tse di masorne a matlhano le bosupa ... " (p.48).

Mokwadi o konosetsa botshelo jwa senatla se gape ka go bontsha botlhokwa le rnosola wa nako mo bayokerafing fa a re:

-"Yare kgwedi ya ,ntlha ya nqwaga e le 22 ka 19<11, botshelo jwe1 senalla sa ngwana wa Mokgatla yo mogolo, jwa khulla" (p.55).

Fa a arna rnaatlarnetlo a !sang Pilane e~ neng a tie a gase Lefoko ka teng, Seboni a re:

"Ngwaga le ngwaga mo letsatsing leo, mafoko a thero a 11e a qasiwa l(e ene lsanq ka esi" (p.54).

Mokwadi fa a bua ka mo dits habe~ di neng di lelela I sang ka teng fa a se na go ikela badirnong a re: .

"Ka letsatsi leo, !erato lele le

e

rileng a tsllwern setilo ba bo ba rna rata ka lone, 13 boa lotlhe ka rnedinyana ya lone" (p.56).

(14)

-128-Mabaka a, a tlama mmadi wa dibayokerafi tsa ga Seboni gore ka rnetlha a gopole nako. Fela jaaka thuto ya hisetori e amana le nako, go ntse fela jalo ka dibayokerafi tsa ga Seboni.

Nako e tlhagelela jaaka ngwedi o rnosweu mo dikgaolong tse di rileng.

Fa re bapisa dikgoalo 1, 2, 3, 7 le 11 re fitlhela:

Kgaolo 1: "Tihago ya gagwe" - E bua ka ga botsalo jwa gagwe jo bo a rna nang gotlhegotlhe le nako.

Kgaolo 2: "Thuto ya gagwe" - E bolela dingwaga le nako e a e ntseng kwa Kolone kwa dikolong.

Kgaolo 3: "Tiso le puso ya gagwe". Fa go bolelwa ka boleele jwa nal<o e a busitseng ka yone.

Kgaolo 7: Yone e supa nako e a tlogetseng bogosi ka yone.

Kgaolo 11: E bolela rnotsi wa loso lwa gagwe le nako e a fitlhilweng ka yone.

5.3.3

DITIRAGALO MO

GO

KGOSI/SANG PILANF.

Sengwe sa botlhokwa se bayokerafi e itsegeng ka sane, ke kgatelelo e e welang mo godimo ga ditiragalo.

Ditiragalo tse, di tla ka tlhatlharnano e e lolarneng.

Ditiragalo di simolola ka botsalo jwa ga lsang Pilane ka ngwaga wa 1884. 0 tlhalosiwa e le ngwana wa kgosi yo o neng a na le kutlo rnme a rornelwa kwa sekolong sa Zonnebloern go ithuta teng fa a se na go digela dithuto tsa gagwe tsa

poraemari kwa Malolwane.

"0 ne a sa itse dithuto tsa gagwe fela jaaka ba banqwe; o ne a di clira ka bokgabale" (p.6).

(15)

-129-Matsapa a ga moruti Neethling a go mo rulaganyetsa gore a amogelwe kwa sekolong sa basweu sa Wellington a itaya se fololetse.

Tiragalo e nngwe e kgolo re e bona ka 1916 fa mogolowe a se na go ikela badimong, a tsenngwa rna ofising ya morafe e le mophuthi wa makgetho.

E

rile ka 1920, bolwetse jwa itsa rraagwe go tswelela ka ruso ya Bakgatla mrne lsang a rna tshwarelela.

Mo pusong ya gagwe re mmona a tsweletsa rnorafe pele, a aga dikolo mme e bile ka Sontaga a ba rerela lefoko Ia Modimo.

"A tsosa morafe ka go o tshubela lesedi Ia thuto IE? I~ a go o tlhalosetsa rnolemo wa yone rno diphuthegong le mo dikokoanong ts<'l semorafe tsa mehuta yotllle'' (p.13).

Dintlha tse dingwe tsa botlhokwa jaaka baanelwa, nako le tikologo eli tshegetsa ditiragalo mo bayokerafing. Kgosi lsang Pilane o direla ditiragalo. 0 dira jalo ka go tlhagelela e le kgosi e e direlang rnorafe ka boineelo mrne a o ratela tswelelopele.

"Kana go ne go se sepe se a neng a se tshaba go gaisa kgopolo ya go bona Bakgatla ba wetswe ke petso ya tlala ya sejesadil<atana ... " (p.19).

Ka ntata ya bogosi jwa gagwe, re bona rnerafe e mengwe e eletsa Bakgatla. A agela rnorafe sekolo se segolo mo godirno ga thaba ya Phuthadikobo magareng a 1921 le 1923.

Ntlha e, e supa sentle fa ditiragalo di diragala rno tikologong e e rileng le rno nakong e e rileng.

Re bona lsang a sa rute morafe wa Bakgatla fela ka molorno mrne a ba ruta ka go nna sekai.

"Fa a sena go ba ruta ka ga temo ka go naya sek::ti sa go itshwarela ka rnabogo a gagwe, a tlhakatlhakane le bana ba gagwe rno masirnong, ka a ne a itse fa pllokojvve go ja yo o diretsenyana ... " (p.18).

(16)

-Ditlhare di na le thuso e kgolo thata ke ka rnoo lsang a neng a kganela Bakgatla go di rernakaka jaaka ba rata.

"Go sireletsa dikgwa tse eli ntlafatsang lefatshe mo selereng sa bathudi b<~ dikoloi,

a iletsa therno ya dikota rna lefatsheng kwa ntl8 ga 1etl81elo" (p.20).

0 tlhotlheletsa batho ba gagwe go aga rnatlo a rmmtle. a rnatona.

" . . . rnotse wa sala o phatsirna ka ditlhoa tse di arnogelang kgalalelo ya letsatsi,

malapa a a kgabisitsweng ka metako ya rn10hutahuta l<e basadi ba clitsw8rere ya

tshwara leitlho Ia moeti" (p.17).

Gape re bona lsang a tlhotlheletsa rnorafe go tshegetsa dilo dingwe tsa tlhago le setso le rnororo ba amog,etse sekeresete.

"Go ne go phuthega babetli ba megopo, ba dintshwana, dikil<a. rnetshe le mefinyana ya dilepe le rnegoma ya mabogo . . . " (p.24).

Dingwe tsa ditiragalo rna baynkerafing e. ga di use pelo. Selo se, se dirwa ke boutlwelobotlhoko jo rnokwadi a nang le jone rno go lsang.

Seboni o bisa go tlhalosetsa rnmadi se tota !sang a neng a se dirile fa a tla lelekwa rna rnotseng wa ga Motshodi.

Mo ntlheng e, rnokwadi a re:

"Mo magareng a ngwaga one wa bone ~Ja u11wala mes wadile, ke go re

~

magatwegatwe a bafetakatsela a sebas8ba diphap<'lano fa gare ga bouosi le rnothusi wa jane'' (r$.33-34).

Ntlha e, rno ditiragalong tsa bayokerafi e, e belaetsa gore lsang o ne a le phoso rnme ka go rna rata rnokwadi o leka go rna sireletsa.

(17)

-131-0 tswelela ka go re:

" .. . ya dilaka leina Ia senatla sa manna nune bogalo ya senya morafe a a bants-hitseng bad its haba le barnagala 'a bone le barnonna 'a bone basaikategang jwa one" (p.34).

Go supa tota fa Seboni a dumela fa lsang a siamolaletswe fa a bua ka ga katlholo are:

"Ya nna batlhaka ja ba gaisang jwa dintlho tsotlhe ka e le ntha e e gabukilweng ke segai sa ngwana a fafatsa rraagwe, e le batlhoko jwa rnrnutlwa wa rnookana a a a tlhagaletseng ya rea gala wa rna tlhaba'' (p.35).

Ditiragalo tse di tlhalosang katlhalo ya ga lsang ka ntlha ya go tlhoka boikobo, di · ngaolosiwa ke mokwadi thata ntle le lebaka. Bokete jwa katlholo e, rna ditiragalong tsa bayokerafi e, di godisiwa ke mokw:Jdi go feta selekanyo.

Malebana le ntlha e, a re:

"Makgekgetha aa wa ntha wa dira rnatheo wa bokoa le balwetse jwa gagwe ... " (p.35).

Ka kakaretso ke bayokerafi e tikologo ya yone le nako le ditiragalo di e tshwanelang sentle.

5.3.4 TIKOLOGO MO GO KGOSI /SANG PILANE

Tikologo ke ntlha nngwe ya botlhokwa mo kanelong ya bayokerafi.

Tikologo e lsang a tsaletsweng rno go yone ke ya rnotse wa Setswana sa lekgorokgoro. Motse wa ga Motshodi wa Bakgatla ba ga Kgafela.

0 goroga mo lefatsheng mo rnotlheng o baruti ba neng ba tshwaragane le go sokololela bantsho mo bodurneding.

(18)

-132-"Kgosi e kgolo le mohumagadi ba tshotse ngwan;:1 yo pele ba sokologela mo tumelong ya kereke, fa ba· santse ba tsarnaisa rnatshelo a bone ka melao ya segabone ... " (p.1).

Tikologo e a goletseng rno go yone ke ya selegae. 0 ne a gala a disa rnarele, rnarole le rnatsomane fela jaaka basirnane botlhe ba motse ba ne ba dira.

" . . . a tsena thuto yotlhe ya letso Ia Setswana e ka yone a rutilweng go tshegetsa ka boarnrnaaruri mekgwa ya tlholego, e e thusan9 go bopaganya le go ·nonofisa morafe" (p.3).

Fela jaaka ditiragalo, tikologo le yone ga e erne felo go le gongwe, rnme e tsarnaya e fetogafetoga.

Botshelo jwa Bakgatla bo fetolwa ke kgorogo ya baruti ba boromiwa. Re mrnona a kolobediwa ke moruti Beyer rnme a sa newe leina lepe le leswa.

Moraga !sang o ya kwa Malolwane kwa a rutilweng ke moruti Thomas Phiri teng. Tikologo e, ga e farologanye go le kala le ya kwa gabone kwa ga Motshodi.

Tikologo ya gagwe e fetoga gotlhegotlhe fa a rornelwa kwa sekolong sa Zonn. e-bloern. 0 iphitlhela mo tikologong ya thuto le dibuka. Mokwadi fa a tlhalosa tikologo e, a re:

"

.

.

. a fitlh

elwa a kgarakgatshega le ntlo ya clibuka jaaka pholo e e ntshitswenn rna go golegeng .. . " (p.7).

Moraga lsang o boeta gae, tikologo ya gagwe e a fetoga; o nna mophuthalekgetho Ia morafe mrne moraga o tsaya bogosi fa rraagwe a se na go ikela badimong. 0 busa morafe mo tikologong ya sekeresete.

Tikologo, nako, ditiragalo le baanelwa ke diyathoteng. Malebana le moanelwamogolo, lsang, tikologo e fetoga gape fa a ntshiwa mo motseng sebaka sa dikgwedi di le thataro.

(19)

-133-5.3.5 KANELO MO GO KGOSIISANG PILANE

Kgosi lsang Pilane e fapaana le Rammone wa Kgalagadi ka yone e le bayokerafi fa Rammone wa Kgalagadi e le lokwalo lwa rnoikwadi. Ka tsela e, le tsamaiso ya kanelo e tla farologana.

Mokwadi e santse e le ene moanedirnogolo a tlhagisang setshwantsho sa moanelwamogolo, baanelwa ba bangwe, tikologo, nako le ditiragalo ka leitlho Ia ponalo ya gagwe.

Mo gontsi moanedi o tlhagisa kanelo ya gagwe ka maerno a motho wa ntlha. Go nna teng ga popego ya motho wa bobedi go tla tlhagelela fa kanelo e ntse e rarabologela pete, mme re ka se e tswalele matlllo ka gope.

Mo tsamaisong ya kanelo ya ga lsang Pilane, mokwadi o e· tlhagisa go tswa mo sekhutlwaneng sa mott1o a le ka rno gare ga ditiragalo. Mokwadi go tiisa ntlha e,

ya gore o ne a le mo gare mrne kanelo ya gagwe e gasa marang a lesedi Ia yone go tswa moo a re:

"Nna mokwadi wa polelo e ke ne ke le IIlongwe wa bareetsi ba ba se nang lefoko,

ke le motshwarapene wa nngvve ya dikgosi tse dikgolo mrne se l<e se bllang ka ga puo ke se ke se utlwileng ka ditsebe tsa nw le se ke se boneng ka matlho a nama'' (p.34).

Mokwadi o tioga a gasa ponalo ya setshwantsho sa ga !sang go tswa mo maitshetlegong a lorato le kutlwelobotlhoko ka ntata ya karnano ya gagwe le Kgosi !sang Pilane. 0 mo leba ka lorato le kutlwelobotlhoko, mrne o eletsa fa mmadi le ene a ka mmona jalo.

0 tswelela ka mafoko a:

"Kgosi !sang Pilane e ne e le motho wa nama jaaka rnongwe le rnongwe, e le kgosi

e e busang ka fa tlase ga Mmopi wa gaqwe mrnn a bile a raelesega jaaka mang le mang" (p.45).

(20)

-134-Go bokete mo moaneding go tl~amalatsa melato le diphoso tsa ga !sang gonne o a mo rata, mme o rno utlwela botlhoko.

Fa a tswelela pele go mo sireletsa rno ditlolong le diphosong tsa gagwe, rnokwadi

are:

" ... re tla lernoga gore bogosi ga SP. tiro e e botlhofo bogolo jang rno rnothong yo o tshwareletseng" (p.45).

Fa morafe o ngongoregela puso e e setlhogo, ya kgatelelo ya ga !sang, mokwadi mo tsamaisong ya kanelo o leka gotlhe go tswalela diphoso tsa gagwe matlho ka ntlha ya kutlwelobotlhoko.

"Fa a ne a ka bo a tshedile a sa kaiwP. ka rnokgwa opP. wa go tlhoka go itumedisa batho botlhe, e ne e tla ho e se rnotho wa namr:t .. . '' (p.46).

Mo kgopolong ya moanedi, ditatofatso tse morafe wa Bakgatla o neng o latofatsa

!sang ka tsone, e ne e le dikgopolo tsa bone fela. rnme go se na boarnrnaaruri

bope. 0 bay a moanelwamogolo mo pele ga setshwantshi e le mosiarni.

"Ga go na ope yo o ka itsan~1 batho go akanya se ba ratang go se ak<~nya ka ga rnotho kgotsa go se bua ka leina Ia gagwe" (p.46).

0 tswelela gape go mo tlhagisa jaaka mosiami fa a re:

"Se segolo ke gore dipateletso tse eli k~Jobelelwang mo goclirno ga mosiami ga se

tsone di ka tirnang tshiarno ya gagwe" (p.46).

Mongwe le mongwe fa a tsaya setshwantsho mme sa tswa se mo iturnedisa, o

· eletsa se ka bonwa ke batho mme ba se bona tela jaaka a se bona.

Mokwadi o bona !sang e le sekao se batho ba tshwanetseng go tsaya rnAiebela rno go sane.

(21)

-135-"A bangwe ba bana fe bagolo ba ba tla balang lokwafonyana lo ba leke go tshela matshelo a a ka humisang lefatshe go feta jaaka kgosi !sang a le humisitse" (p.49).

Mokwadi o leba lsang ka kanaanelo

e e

gakgarnatsang. 0 rnrnona

e

le sekao se se sa gaisiweng ke sepe sa rnotho yo o kileng a tshela.

0 tswelela ka go re:

"Kgomo e nkgwe e e makuka e rile fale fa e ntse e garola mo dikhuting !sa rnelapo

e e dikologileng Motshodi ya nna ya tlhakana le metlhape e rnentsi'' (p.43)

Fa lsang a fetsa go ntshiwa mo bogosing, rnokwadi o mo anaanela jaana:

"Kgomo e nkgwe e e makul«'l ya fula melapo e le yosi jaaka poo e e tlh<.~bilweng ke !onaka lwa e nngwe" (p.35).

Mokwadi o leka go fapoga gore lsang Pilane o ne a sa ikobele rnorwamogoloe, Molefi, rnrne o phefofatsa ntlha e, mo rnrnading ka go

e

baya ka rnafok.o a:

"Mrne jaaka 90 tlhola go diragala, ba tsenelelwa ke mohoholela wa rnetsi a a

maswe" (p.34).

Moanedi o tlhagisa ponalo ya ditiragalo mo tikologong

e

a

e

itseng sentle. 0 gasa ponalo ya setshwantsho sa ga lsang jaaka rnotho yo o neng a le teng ka sebele, e seng fela a utlwile ka batsei ba rnolelo.

"Ke ne ke le' teng rno malatsing ao a maleele a rno 90 one re boneng I sang a betsa

sefetlho le rnerafe, ... Mme ka letsatsi le, o ne a tshwana le poo e dikilwe ke dipoo

tse dingwe'' (p.34).

Ka kakaretso, tsarnaiso yotlhe ya kanelo maleb;:ma le moanelwarnogolo

e

ikaegile thata ka maikutio a rnokwadi. Selo sa rnothale o, se tlholwa ke kamano e e kitlaneng gare ga mokwadi le lsang.

Tota .le ene rnokwadi o a ipobola fa a re:

(22)

-136-"Morera wa lokwalo lo lo nayang botshelo jwa rnot11o ga se go tlhagisa maik11tlo a rnokwadi wa lone rnrne ke go balolola clitiro tsa yo go kwalwanq ka ene le go ntsha rnaikutlo a ba bangwe ka ga one" (p.42).

Le mororo go ntse jalo, rnokwadi o kgonne go re naya ponalo e e tii1Flpileng ya ga lsang Pilane go tswa botsalong go f.itlha losong lwa gagwe.

5.3.6 MORERO MO GO KGOSI /SANG PILANE

Morera wa bayokerafi e, o re supetsa dilonyana di le mmalwa. La ntlha rnokwadi o leka go ruta mmadi ka ga botshelo jwa ga lsang mme e bile o eletsa fa re ka tsaya malebela mo botshelong jwa gagwe.

Molaetsa wa gagwe, o o tlisa ka tsela ya go ruta.

"Mongwe le rnongvve o tshvvanetse qo ithut8 tiriso e e si8n1PnCJ ya dimpl10 tse a eli - filvyeng ke badimo" (p.20).

Fa a bua ka ga tshiamo ya ga !sang, Seboni a re:

"Ga go ope yo o ka itsang h<:~lllo go ak8nya se bn r8t<'lnq go se e1kanya ka gn mot!10 kgotsa go se bua ka leina Ia gagwe"' (r.46).

Mo rnatlhong a rnokwadi, ga go ope yo o gaisang lsang ka go tshela sentle. mrne e bile o eletsa fa batho ba ka tsamaya rna dikgatong tsa gr1gwe.

"A bangwe ba bana le ba~tolo ba ha tla h<1l<1ng lokwalony<~nCJ lo ba I eke go tsllela rnatshelo a aka hurnisang lefatsh0. go feta jaai<.CJ kqosi !sang a le hutnisitse"' (1'.49).

Fa a tlhagisa botshelo jwa gA !sang le kgodiso ya hm1a ba gagwe jaaka sekao se . se eletsegang, Seboni o t)lla jaana:

" ... botshelo bo tshwanetse go tshelwa jCJana. Tiro e ntle e motho a ka e siang mo lefatsheng ke go le direla sengwe. qo le ntlaf8tsa kqotsa ~JO le tloqel8 le le botoka go feta pele" (p.65-66).

(23)

-137-Fa a tswelela go ruta babadi, mokwadi a re:

"Thuto ke tsamma e e tshwanetseng go nonotsha dimpho tse mang le mang a fitlhang mo lefatsheng ka tsone go tswa badimong" (p:67).

Molaetsa o mongwe, o mokwadi a lekang go o tlhagisa ke wa tlhaloso ya gore le

fa !sang a ne a kopana le rnathata le rnatshwenyego, o ne a siame thata. Tshiamo

e, ya ga lsang,

e

gatelelwa ke mokwadi go feta selekanyo. Tota le fa lsang a dira

phoso, mokwadi o tswa rna tseleng go rna sireletsa.

"Kgosi lsang Pilane e ne e le motho wa nama jaaki't rnongwe le rnongwe, e le kgosi e e busang ka fa tlase ga Mrnopi . .. a raelesega jC~aka mang le mang'' (p.45).

Fa rnathata a bogosi a tsogela lsang, Seboni o mo sireletsa jaana:

" . . . re tla lemoga gore bogosi ga se tiro e e hotlhofo bogolo jang mo mothong yo o tshwareletseng" (p.45).

Fa !sang a latofadiwa, rnokwadi o leka go mo sireletsa jaana:

"Totatota kgosi !sang Pilane o ne a le rnolerno ga cliketekete go feta melatonyana e e ka balwang ga twe o e dirile: (p.47).

Mo rnorerong wa bayokerafi e, rnokwadi o eletsa fa babadi ba ka tsaya lsang jaaka

sekao.

Are:

" . . . a magosi a Bantsho a kgetle letlhare mo setlhareng sa puso ya ga !sang, mahumagadi a tsee malebela mo go MohtHn8qAdi Mme MmaDikolo'' (p.49).

0 tswelela a sireletsa lsang fa a re:

"Se !sang a se dirileng mo malatsing ao a bofelo, o se dirisitswe ke pelohotlhoko fa a gopola molerno o a neng a o diretse babolai ba gagwe" (p.44).

(24)

-138-bofelo, Seboni mo morerong wa gagwe, o tlhagisa molaetsa wa gore motho fa atlholelwa diphoso, a molemo o a o dirileng, o mo gontsi o fetang bosula jwa 1gwe, o se lebalwe.

"Fa motho a fapoga tsela ya tshiamo. go na le se se mo dirisang jalo" (p.48).

sela e, ya go leka go ruta le go rerela mrnadi, e koafatsa morero wa bayokerafi . Le mororo go ntse jalo morero wa yone o tlhamaletse .

.4.0 DINTLHA TSA PUO

seboni mo bayokerafing e, o dirisa mafoko a a lebanyeng go tlhalosa dintlha tsa agwe.

5.4.1 MEFUTA LE TIRISO YA MAFOKO

a. Maadingwa

Mokwadi o lekile thata go dirisa Setswana se se itshekileng, mme rno a tlamegang teng fela ke gone rno a dirisang rn::1adingwa mole le mole.

"A etleetsa kgatlhegelo ya kago ya matlo a mantle a matona a diharebese le dirantabole, motse wa sala o phatsima ... " (p.17).

Ga go na mafoko a mangwe a a lebanyeng se a neng a rata go se tlhalosa go gaisa a a a dirisitseng.

Fa a tlhalosa se se neng se diragala mo teng ga matlo a, mokwadi a re:

"Mo go tse clingwe go lela matlole le dikeramafone"' (p.17).

Mokwadi fa a tlhalosa nako ya temo a re:

" ... dijwalo tsa mehutahuta tse di gabukilweng ke sekara .. . " (p.19).

(25)

-139-Fa a tlhalosa ditlhopha tsa dikgorno tse di neng di goga rnegorna rno masimong,

mokwadi a re:

"0 ne o ka fitlhela dipane di faraana mo rnasirnong f<J go lengwa, boleme bo rile hubi kgotsa tsho, phefo e tla e rwele ... " (r.19).

Ga go na lefoko le lengwe le le lebanyeng go gaisa lea le c,tirisitseng go tlhalosa setlhopha sa dikgomo se se gogang mogorna.

Mokwadi fa a bua ka ga kotsi ya bojatwa a re:

"Molao o ne o iletsa le go ja mogetlo o o ratw8n~J ke ban<'~ jaak8 bogobe jwa ting jo bo futswetsweng ka sukiri ... " (p.22).

Fa a tthalosa mebala ya dikgomo. mokwadi o dirisa maina a a tstrvvanang le bo sebaratlane le tiribere.

b. Maboeletsi

Tiriso e nngwe e e tlhagelelang mmoelela mo hayokerafing e, ke ya rnaboeletsi. E ka nna maina, matlhatosi, rnatlhaodi kr~otsa madiri. Fa a tlhalosa ka rna !sang a neng a ruta Bakgatta ka teng. Seboni a re:

"A ba ruta go itlllatlhoba le go itemoga ... Bakgatla ha bula rnatlho k8 pelepele rnme ba tsena ditiro . .. " (r.15).

Mokwadi fa mephato ya Me1atlametlo le Madima e bolola, o tlhalosa bojalwa jaana:

" . . . ka ntlha ele go erne bojalwa jo bo ldulo le lesweusweu, bo gwasa rno ditshekegeng bole bogale ka ntlh8 y<J mornPia . .. " (p.21).

Fa a tswelela pete a re:

"Le bao ba ba neng ba ise ba 1111e le rnophc-1to ba ne ba le rno sedikadikweng sa

rnolao oo .. . " (p.21 ).

(26)

-140-Mokwadi motlhang Kgosi lsang a neng a kokotela molao wa kganelo ya dina tse di tagang o mmoka jaana:

"Ya bopa, ya fataka, ya fotlhaka ditlhatshana tsa rnadubana e lootsa !onaka, poo e nkgwe e e rnakuka" (p.23).

Fa a bua ka ga tirisanommogo ya ga lsang le Maburu, mokwadi a re:

"Ka puo ya bone a ne a e tlhaloganya sentle, o ne a tie a nne a tlotletlotle le bone ka ga dilo tse di ka dirwang . .. " (p.25).

Mokwadi o tswelela ka go re:

"Banosi ba dikgorno rno didibeng tsa morafe . . . ba kopiwa go ntsha dikatso tse dinnyennye go kokotleletsa ka rnoso" (p.26).

Fa a tlhalosa ka mo Batswana ba neng ba itse go alafa malwetse ka teng, mokwadi a re:

" ... a lornanya rnarapo a kgomo e e robegileng lesufu kgothukgothu .. . " (p.28).

Mokwadi o supa lorato lwa ga lsang mo leruong jaana:

" ... a satsee kgang le rradikgomo kwa ntle ga go bua k3 ga dikgorno tse dintle ... tse di mebele e bogokogoko tse di lemileng masokesoke" (p.31 ).

Mokwadi o tswelela ka go re:

rneduduetso e lekalekane le legodimo le letsatsi ka phatsimo ya lone ... "

(p.33).

Seboni fa a tlhalosa phapang e e ileng ya tlhagelela mo gare ga lsang le Molefi are:

(27)

-141-"Mo magareng a ngwaga one wa bone ga utlwala rnes wadile, ke go re magatwegatwe a bafetakatsela a sebaseba cliphapa<'lno ... " (p.33-34).

Fa a tswelela pele ka katlholo ya ga lsang, Seboni a re:

"Pula ka bofefo ya 118, ya phatlalatsa phuthego ... ba e bona e ntse e ipopapopa mo dipelong tsa baatlhodi" (p.35).

0 tswelela ka go re:

"Ee, kotlhao e, ya fetogafetoga clilo tse dintsi jaaka rnaru a a tlisang pula . . " (p.35).

Fa a tlhalosa tlhokafalo ya kagiso rna gare ga lsang le Molefi, Seboni a re:

"Dinaledi tse dikgolo tsa bonwa phetelel<:~ di tshekaganya loapi . . . tsa nyedimanyedima ka phatsimo e e kqatlh;:mg'' (p.36).

Mo tatlhegelong ya ga lsang fa a swelwa ke morwadie, Dikolo, mokwadi a re:

"Go latlhegelwa ke Dikolo yo a nen~J a mo rata 1<8 !erato le le kalokalo e 118 e le

go latlhegelwa ke gotlhe'' (p.36-37).

5.5.0 BOKAO

5.5.1 BOTSHWANTSHI

Go tlhalosa rnaemo a dikwalo a bayokerafi e. rnokwadi o dirisa botshwantshi jaaka re tla bona ka dikapuo tse di latelang:

a Pheteletso

Mokwadi o dirisa sekapuo se, go leka go supa kgatelelo.

Fa a arna tlala ya motlhomola e e neng e wetse Bakgatla, Seboni a re:

(28)

-142-"Bakgatla ba wetswe ke petso ya tlala ya sejesadikatana, gonne tlala ga e hu-manegise manna fela, e mo tsamaisa ka dimpa di le kwa ntle'' (p.19).

Fa a bontsha tsenelelo ya lorato lwa ga lsang rno Bakgatleng, Seboni a re:

" ... ke gobo lerato Ia gagwe Ia molemo rno Bakgatleng le ne le fetisa selekanyo" (p.21 ).

Mokwadi fa a tlhalosa ka ga turnelo ya ga lsang rno badirnong, a re:

"0 ne a durnela fa kgalefo ya bone kwa bel teng e ka tlisa leuba Ia letsatsi le mogote wa lone o o rnenolang ditlhare ka rnedinyana ... " (p.27).

Kutlobotlhoko ya ga lsang e tlhalosiwa ke mokwadi ka rnafoko a:

"Ya nna botlhoko jo bo gaisang jwa clintho tsotlhe ka e le .. :· (p.35).

Fa a tlhalosa botlhale jwa ga lsang, rnokwadi a re:

" ... e le seganka sa diganka, e le mokaloba ka nonofo rnme botlhaleng a lekana le Salomone!" (p.44).

Mokwadi fa a tlhalosa bogale jwa tlala ya 1933 o bua jaana:

"Ke tlala ele ya go jesa batho dikatana ka ngwaga wa 1933 90 fitlhela Wd 1934 .. . " (p.53).

b. Mothofatso

Mokwadi o dirisa sekapuo se, ka nonofo go natetsha puo ya gagwe le go

tsholetsa rnaerno a dikwalo a bayokerafi e.

Fa a bua ka ga loso lwa ga Dikolo, rnorwadia !sang, Seboni a re:

(29)

-143-"Wena, leso Ia gagwe, yo o tlileng ka tshoganyetso e e keteng ya go betsa ga tladimothwane ... " (p.25-26).

Morago fa a bua ka ga loso lwa senatla lsang, mokwadi a re:

"Loso kana o selo se se gakgarnatsang jang.!" (p.55).

Malebana le loso lwa ga !sang, Seboni o tswelela ka go re:

"Ke wena, loso, o rorornisang lentswe Ia rnoreri, o tetesedise lekwalo mo letsogong!" (p.56).

c

.

Tshwantshanyo

Sekapuo se, le sone se dirisiwa ke mokwadi ka katlego e kgolo.

"lsang a gola jalo jaaka setlhare se se tlhornilweng rno rnrnung ... " (p.10).

Fa mokwadi a tlhalosa ditiro tsa ga lsang fa a se na go tsena mo bogosing a re:

"!sang a se ka a tshaba gore . . . ene a nne fa gare ga mafura a puso jaaka

philo" (p.12).

Seboni fa a bua ka ga kiletso ya go dirisa dino tse di tagang mo pusong ya,ga lsang are:

"Melao ya kiletso ya bojalwa ya ga lsiJng e ne e aname jaaka leselo Ia bobi" (p.20).

Fa a tswelela pele, mokwadi malebana le one molao o. a re:

"Molao wa nama jaaka thotse, wa dikanyetsa bagolo ba ba durneletsweng go itsitsibosa" (p.22).

Mokwadi fa a bua ka ga lsang le melao ya ga Lentswe a re:

(30)

144-" ... a ema jaaka setthare se setelele fa gare ga dipoa ... " (p.29).

Go tswelela pele, mokwadi mabapi le ntlha e, a re:

"0 ne a bopa a fataka jaaka poo ya letlhafula . . . " (p.30).

Mo pegong ya loso lwa ga lsang, Seboni a re:

"Ka re mafoko a loso lwa gagwe a neeletsanwa jaaka mokgosi o tie o neeletsanwe ke dithaba" (p.60).

d. Tshwantshiso

Fela jaaka re bone mo go Rarnrnone wa Kgalagadi, mokwadi ga a dirise sekapuo se, motlele.

" .. . a re o leka go thibela morwalela o o tlisang tshenyo ya leruo le botho kgotsa

maitseo a popego e e eletsegang" (p.23).

Fa a bua ka ga botshelo jwa ga lsang, rnokwadi a re:

"Ba itse fa e nee le lebone le le kganya e phatlalatsang lefifi Ia pula ... " (fJ.32).

Mo tlhalosong ya loso lwa ga lsang, Seboni a re:

" ... go lela bagolo le babotlana ka go wele nang e kgolo" (p.56).

Fa a tsweteta pete go aneta ka ga toso twa ga lsang, a re:

"Ga wa naledi e e phatsimo e e neng e itsiwe. ga pirigana pinagare ya boikanyo, sebui sa segagodi sa didimalela ruri" (p.55).

(31)

145-5.5.2

D/POLELO

5.5.3 MEFUTA Y A DIPOLELO LE TIRISO

Fela jaaka mo go Rammone wa Kgalagadi, mokwadi o tswaka mefuta ya dipolelo

le tiriso ya tsone. Go laola fela gore o rata go tlhalosa ntlha efe: Le mororo go

ntse jalo, o ganelela mo tirisong ya dipolelopate le dipolelotswako. Dipolelonolo o di dirisa tale le fale.

Dipolelo tse di latelang di sedimosa ntlha e sentle:

"Nngwe ya dikeletso tsa gagwe fa lefatshe le sa ntse le le rnonate e ne e le gore '

Tshireletso e ithutele bana ba ba tla nnang b;:1rutabana ba karnoso, e agele basimane le basetsane matlo a bonno le borobalo gaufi le dikolo, tse di tshwanang le bo-Moeding, bolafotele, boMathaeo, boNgxukhwebe, boKilinatone, boBotshabelo, boBethele, boMoroka, le tse dingwe" (p.57).

Polelo e e fa godimo e, ke sekao sa dipolelo tse ditelele tse mokwadi a di dirisang mo bayokerafing e. Totatota ga e farologane le ternana ka sepe.

Dikao tsa dipolelo tse dikhutshwane tse mokwadi a di dirisitseng ke tse:

"Lekgotla Ia erna ka tidimalo sebakanyana ~JO supa tlotlo'' (p.57).

"Ba ba tsamaileng ke Dikolo, Sepate le Motlapele" (p.63).

5.5.4 DITEMANA LE TIRISO

Bayokerafi e, e kgaogantswe sentle ka ditemana. Ternana nngwe le nngwe e

dirisiwa go tlhagisa ntlha e e rileng.

Mo gongwe rnokwadi o atlafa ka go dira ditemana tse ditelele go feta selekanyo, mrne ternana e latlhegelwe ke boitlhomo jwa yone. Sekao se, se tlhagelela rna

temaneng ya ntlha ya tsebe ya 63, le rna tsebeng ya 64 temana ya bobedi.

Ga go na phoso, rna kakanyong ya rne, fa temana e le telele mme e tlhalosa ntlha

e le nngwe e e rileng. Sebe-sa-phiri ke gore Seboni mo bayokerafing e, o dirisa

(32)

146-ditemana tse ditelele, go le gontsi, mme a tlhagisa dintlha di le dintsi tse di faroldganyeng.

Mo a dirisang ditemana tse dikhutshwane teng, mokwadi o di dirisa ka nepo e e usang pelo.

_ Sekao ke se:

"A nyerisa bontsi rnarapo ka tlhaloso . . . go dia selo se kwa bofelor\g se tla diragalang" (p.41).

5.5.5 DIKGAOLO LE TIRISO

Bayokerafi e, e kgaogantswe sentle ka dikgaolo. Kgaolo nngwe le nngwe e bua ka ntlha e e rileng. Dikgaolo tsotlhe di le 14 di rulagantswe ka matsetseleko rnme di tlhamaletse.

Mokwadi, fela jaaka rno lokwalong twa moikwadi lwa ga Rammone, o senya fela ka go naya kgaolo nngwe le nngwe setlhogo.

Mokgwa o, wa go abela dikgaolo ditlhogo, ga o tlhole o dirisiwa mme ga o atlanegisiwe.

5.5.6

DIANE LE TIRISO

Go rakanwa le diane tsa methalethale rno bayokerafing e. Mokwadi o dira jalo go natetsha puo le go leka go tlhatlosa maerno a dikwalo a bayokerafi e. Bontsi jwa diane tse, mokwadi o atlegile go di dirisa ka nepo le ka matsetseleko.

Dikao tsa diane mo bayokerafing e. ke tse di latelang:

- " ... letsema le thata ka mong wa lone" (p.14).

- " ... motlhoka sa gagwe ke moka a suleng" (p.15).

- " ... kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaragenelwa" (p.18).

(33)

-147-- " . .. se sa feleng se a tlhola'' (p.26).

- "Kgosi ke kgosi ka morafe" (p.31 ).

- "Setshwarwa ke ntswa pedi ga se thata" (p.36).

- . "Mosekaphofu ya gagwe ga a ile go swa lenfswe" (p.43).

- "Manna yo o se nang kgomo, ke mosimane" (p.45).

- " ... ditlamelo tsa pula di dirwa go sale gale" (p.53).

- "Motho ke motho ka batho ba bangwe'' (p.66).

Diane tse di latelang di fetotswe mo tirisong ya tsone, mrne selo se, se kgotlela tswina le molodi wa diane mmogo le tlhago ya tsone:

'"Phokojwe go ja yo o diretsenyana' boemong jwa 'phokojwe go tshela yo o diretsenyana"' (p.18).

'"Molomo o bina o a bo o raga o rnongwe' boernong jwa 'Molomo o jang o raga o rnongwe'" (p. 19).

'"Batho ke dintsi, ba okwa ke bolaclu' boernonq jwa 'Ntsi e okwa ke holadu"' (p.46).

"'Montsarnaisabosigo ke rna rata bo sele' boernong jwa

'M~HJtsarnaisabosigo

ke rno leboga bo sele"' (p.48) .

. 5.7

MAELE LE TIRISO

uo ya mokwadi mo bayokerafing

e.

e phophosefa ka maele a a natetshang puo :t gagwe. Se se itumedisang ke gore mokwadi ga a a tlopele, rnrne o a dirisa

aka moapei wa setswerere a loka nama gore e natefe. e bafole.

kao ke tse:

"Ke gone go tlileng nako ele e ka yone Bakgatla ba ga Motshodi ba neng ba lejwa ka go melediwa mathe .. "(p.13).

(34)

-148-- " . . . ditokololo tsa morafe ga di itumedisiwe ke go ntshetsa morafe sehuba" (p.14).

- " . . . a feta a iphapha mo bogosing e se re gongwe a itshela madi a kgofa

godimo" (p.36).

- "Ka Jetsatsi leo, lerato lele le e rileng a tshwere setilo ba bo ba mo n~ta ka lone Ia boa ... " (p.56).

5.5.8 NYALANO YA DIKAROLO TSOTLHE

Ga go na pelaelo gore dikarolo tsa bayokerafi e, di nyalam'! sentle e le ruri. Go

tswa botsalong jwa ga lsang ka 1884 go fitlha mo losong lwa gagwe ka 1941

dikarolo le dintlha tsotlhe di salana moraga ka tatelano e e lolameng.

5.5.9 TSHOBOKANYO

Go rna pepeneneng gore Seboni o atlegile go kwala bayokerafi e e sa belaetseng ka ga Kgosi lsang Pilane. 0 simolola sentle ka botsalo jwa gagwe, mme a digele

ka Joso twa gagwe. Seboni o supa tota fa a ne a na le kamano e kgolo le lsang

mme ntlha e, e batlile e tshwenyana le tsarnaiso ya gagwe ya kanelo ya bayokerafi e.

"Ka pelo le jaanong ke santse ke bona sehopego sa gagwe fa a kgobokanetswe ke dits haba, tshiamo ya gagwe e dilakiiWEl ke bosula jo a neng a supiwe ka jone". (Ketapele).

Ka kak.::tretso, mokwadi o atlegile go kwala bayokerafi ya ga !sang. 0 bua ka

tlhamalalo mme a senoia botshelo jwa senalla se, go tswa botsalong go ya a ikela

badirnong.

Mo puong, ga go na pelaelo. Seboni o itshupa e le kgeleke. 0 dirisa puo ya gagwe

. ka matsetseleko.

(35)

149-KGAOLO 6

6.0 KGOSI SEBELE II

6.1 MATSENO

Kgosi Sebele II ke padi e tota e leng bayokerafi ya kgosi ya Bakwena. Sebele II ke morwa wa maitibolo wa ga kgosi Sets hele II. Ka ntata ya go busa rnorafe wa ga Sets hele ka diphepheng. bogosi jwa gagwe bo ne ba khutshwafala thata. 0 swetse gare ga mpa ya lefatshe rna rnaleng a sekaka sa Kgalagadi, mme setopo sa gagwe sa bolokelwa gae kwa Mokwena. E ne e. le kgosi tota, a bo tsaletswe, e seng jaaka lsang Pilane yo e neng e le rnotshwareledi fela.

6.2 DINTLHA TSA MAITSHETLEGO MO GO KGOSI SEBELE II

6.2.1 BAANELWA MO GO KGOS/ SEBELE II

Malebana le baanelwa bakwadi ba ba farologanyeng ba tlhagisa dintlha tsa bone ka mekgwa e e sa tshwaneng.

Malope (1977:95) a re:

"Baanelwa ke batho; le g<:~le go se akanngwe oore ke batho b<:t b<:t kilenq ka tshela -fa e se fela fa padi e le ya rnofuta wa bayokerafi."

Sebele II ke motho yo o tshedileng gonne padi e. ke bayokerafi.

A. Moanel .vamogolo

Moanelwarnogolo ke Kgosi Sebele II ka boene.

a. Ka rna rnokwadi a rnrnonang ka teng

i. Ngwana ·yo o sebeto

Mokwadi o mo senoia e le ngwana yo o sebeto le rnororo a leka go rno sireletsa ka go re:

(36)

·150-"Mongwe le mongwe o tsetswe a siame, a le pelo tshweu mme jaana batho ba bangwe ke bone ba tleng ba rna sokarnise, ba mo kgelole mo bothong bo a tlholegileng ka bone" (p.30).

ii. Ngwana wa seganana

0 . romelwa ke rraagwe kwa sekolong sa Moeding go ya go ithuta, a tie a

kgone go busa morafe wa Bakwena a na le ponelopele. Moraga ga malatsi a boikhutso o gana go boela sekolong.

"A gana ngaa wa banyana gore a khutlele kwa dithutong. 0 ne a santse a le kwa tlase thata ... '' (p.20).

Fa rraagwe a mo gotolela matlho, o tioga mo gae, o inaya naga. 0

iphitlhela kwa ga Motshodi motseng wa Bakgatla mme ba mrnusetsa gae; moraga o ngwegela kvva meepong ya Gouteng.

iii. Ke motho yo o bogale

Sebele II o supiwa e le rnotho yo o bogale bo gaisang jwa tau.

Mokwadi o mo tlhalosa jaana:

"Le fa a ne a tshajwa jaal<a tladirnothwane, go ne go le boitumelo rno motseng wa gagwe go gaisa rno metseng e rnengwe" (p.64).

iv. Kgosi e e setlhogo thata

0 senolwa e le kgosi e e busang rnorafe wa yone ka diphepheng.

"Puso ya gagwe le yone e ile ya silafadiwa ke dik<=~tlholo tse di botlhoko tse di neng tsa wela batho bangwe ja8ka ba ba thukhutllilwenn pele ba tlodisivva melelwane" (p.64).

Le mororo a ne a le setlhogo jaana. o ne a tsidifala ka bonako jaaka bogobe. Gape o ne a le bofefo go ipona phoso.

(37)

-151-"Ba ba mo itseng thata thata ba re o ne a tie a bitse motho a rno kope rnaitshwarelo mrne fa gongwe a bo a rnrnusetse dilo tsa gagwe" (p.64).

v. Kgosi e e tlhokileng lesedi Ia thuto

0 senolwa ke mokwadi e le kgosi e e tlhokileng lesedi Ia thuto ya sekolo.

Go lebega bontsi jwa diphoso tsa gagwe di tlholwa ke go tlhoka thuto ga

gagwe.

"Fa a ka be a ne a tsena sel<wele . . . o ka be a ne a itse gore motho ke rnotho" (p.65).

vi. Kgosi e e ipelaelang

Mokwadi o mmona e le motho yo o inyatsang, a ikgalala, a ipelaela ka ntata ya go se rutege. 0 gopola fa batho ba mo nyatsa, ba mo tlhaetsa rnatlho ka ntlha ya go tlhoka thuto ya sekolo.

"Dikakanyo tse ke tsone di rno kgoromeleditsenu kwa rnekgweng ya sernorafe sa pele" (p.66).

vii. Kgosi ya mmusaesl

0 mmona e Je kgosi

e e

sa gakololweng, ya rnmusaesi. ·

0 gapeletsa rnorafe go rupa kgatlhanong le dikeletso tsa borraagwemogolo,

ba ba neng ba fedisitse bogwera.

Fa batho ba supa ngongorego rnalebc:ma le ntlha e, bogale jwa gagwe bo oketsega jaaka metsi a mogobe letlhafula.

"Mo dipakeng tseo Sebele II o ne a sa kotangwe ke ntsi. a le bogale. a tuka jaaka kgabo ya molelo ... 0 ne a tshajwa .iaaka tladirnothawane" (p.72).

(38)

152-viii. Kgosi e e se nang lefufa, mme e le kutlwelohotlhoko

Mokwadi o mo tlhalosa a se lefufa rmne a rata dilo tse dintle gape a Je kutlwelobotlhoko.

"Ga twe o ne a tlh<'lbisiwa clitlhong ke qo ts<'lmaya le motho a SCI apara ka tshwanelo . . . E ne e se serE~ mo go ene 90 arolela motho wa gagwe diaparo tse dints ha kgotsa qo eli mo rekela" (p.91).

Kutlwelobotlhoko ya gagwe e tlhagelela botoka rno mafokong a:

"Sebele e ne e le rnoutlwedibollhoko hogolo jang rno bahurnaneging; gantsi a fitlhelwa a rekela batlhoki mo mabentleleng a Mokwena ... " (p.65).

ix. Kgosi e e pelokhutshwane

Mokwadi o mo tlhalosa e le kgosi e e pelokhutswane.

"Pelo khutshwane e e rno dirile11g gore <1 nne bofefo ~JO isetsa rnotho seatlri fa a mo tenne, rnatlhapa a a tlhapaditsen~J ka one le botlhogo ho a tlnrbakileng batho ke1 hone fa 8 ne ~1 lwR. 8 nee se dilo tse a dt1le11g le tson<~ kwa badimong" (p.65).

b. Baanelwa ba hangwe le batho ba mmona jang?

i. Mmogisi le mogateledi

Badumedi ba mmona e le kgosi ya rnrno{Jisi e e tshwenyanang le bodumedi jwa bone.

"Dikwalo tsa gasarna IE~ lefatslw qo boiP.Ia poqo e P wetseng hadurnedi mo ·Jefatsheng Ia Bakwena .. . E ne e re gn phirirneng q8 lets8tsi ~10 itsivve fa

go tlisetsa bangwe m8hutsana'' (p.75).

(39)

-153-ii. Mopholosi wa morafe

Bangwe ba morafe ba ne ba na le tsholofelo e e makatsang rno pusong ya ga Sebele II. Tshwaro ya gagwe ya ba utlwisa botlhoko thata.

"Ba ba neng ba solofetse kgolo ya puso ya kgosi ba sala ba tsitlile ka maswabi ... " (p.76).

iii. Motho yo o sa tshwanelwang ke bogosi

Ka ntata ya puso ya gagwe ya kgatelelo. dikgosana le borangwana 'a kgosi ba bona Seble II a sa tshwanelwa ke inarapo a puso.

" .. . tsa nnela diphutlwgo tsa dikhtiduthamaga, tsa sephiri se setona sa go kwalela Motlotlegi gore Sebele II ga a tshwanela jaanong go etelela morale pe le" (p. 72).

c.

Ene ka esi o ipona jang?

i. Ga a ipone a le bosula

Le mororo batho ba ne ba ngongorega kn ga puso ya gagwe. ba rnmona motho yo o setlhogo. ene ka sebele o ne a ipona a siarne, a se bosula.

"Dilo tse tsotlhe tse di tlisitswe e seng ke hosula ba me mme ke khutso ya ga rre yo o ntsetsen~( (p.99).

ii. 0 ipona a gatelelwa, a !;a atlholwe ka tshiamo

Fa a se na go atlholwa ka ntata ya kgatelelo ya gagwe rno rnorafeng, o ipona a sa atlholwe ka tshiamo.

"Nka swa rno tseleng ka ntlha ya bol~ete ba katlholo ya gaga e e botlhokotlhoko e. Ke kopa gore ke sekisiwe gore rnolato o ke rontshwan~J bogosi ba ga rre ka one o tie o popomale ... " (p.79).

(40)

154-B. Baanelwa ba bangwe mo go Kgosl Sebele II

Jaaka padi e, e le bayokerafi, baanelwa ba bangwe ba tlhagelela go sedirnosa moanelwarnogolo. Malope (1977:103) o bitsa baanelwa ba, batshwarakgarnelo ka ntata ya fa ba thusa moanelwarnogolo go fitlhelela rnaikaelelo a gagwe.

i. Tumagole

Ga a tshela sebaka ka moo ga re utlwele sepe ka ga gagwe, fa e se go urnakwa fela.

ii. Padi

Le ene o umakwa fela rnme go tswa moo ga re utlwele sepe ka ga gagwe.

iii. Kgari

0 rata botho rnrne ke motho yo o tlwaelegang bonolo.

Ke rnotho yo o tletseng tshisirnogo.

0 kgona go itshokela rnathata.

"Mathata a puso ya ga mogolowe a kgobokanela rno tlhogong ya gagwe rnnw o oba tlhogo go a rwala senna" (p.17).

Kgari o rata thuto le sekolo thata go gaisa bomorwarraagwe botlhe.

"Mo baneng ba ga Sets hele II ga go na ope yo o supileng thato ya thuto le go itsweledisa pele go rno feta" (p.17).

iv. Tlhalefang

Ke mohumagadi yo mogolo, rnme o rata batho. Morafe o mo tlotlela botho jwa gagwe. Ga a na kgethololo rnme o tshwara rnorafe ka letsogo le le lengwe.

0 mantle thata ka pope~JO.

(41)

155-"0 ne a le sekai sa tlhaboloso ya thuto rna ngwaneng wa rnosetsana'' (p.84).

0 ne a filwe mpho ya kopelo le kitso ya go letsa diletswa tsa kopelo.

0 tthalosiwa e le modumedi wa popota wa kereke ya Ts hats ha.

Ke mosadi yo boikgodiso bo sa agang rna go ene, rnme le mo kerekeng o itulela fela le bomme ba bangwe a beetse maemo a bohumagadi kgakala nae.

v. Kgwanyakgwanyang

Botshelo jwa gagwe bo khutshwafadiwa ke loso, ka moo ga re utlwele go le gontsi ka ga botshelo jwa gagwe.

Ke motho yo o neng a rata kereke thata.

Mogolowe, Sebele II o mo gapeletsa go rupa.

vi. Colonel C.F. Rey

Ke manna yo o pelokhutshwane thnta.

0 ithutile ka ga puso ya rnerafe e e welang ka fa tlase ga rmnuso.

vii. Kgosi Moremi Ill

0 senolwa e le motho yo o boutlwelobotlhoko.

0 ithutile molao wa tlholego ya Bantsho rnrne o na le dikgakololo tse di tlhapisang pelo ..

" . .. a gakolola gore tlholego le tlwa"elo di pateletsa gore kgosi e fitlhwe rna motsing wa yone, kwa tulong e e k9etllilwen9 e go letseng dikgosi tsa pele mo go yone" (p.107).

(42)

-156-viii. Setshele II

0 busitse Bakwena nako e khutshwane thata.

Go utlwala gore o ne a tlhoile seno sa khadi thata mme a se tlhomela molao o o gagametseng.

Ke kgosi e e batlang tlhamalalo mo tsarnaisong mme e sa sisimoge go otlhaya kgosana dikgorno fa e sa dire tiro ya yone.

0 retelelwa ke go tshedisanya sentle le rnohumagadi wa gagwe yo rnogolo mme moraga o nyala lefufa le mororo a ineetse mo tumelong.

ix. Mosarwa le Neale (Molaodi) ba umakwa fela.

Se se utlwalang ka ga Mosarwa ke gore o ne a siela kwa go Mobisopo Gore-Browne, a tshaba thupiso ya kgapeletso ya ga mogolowe Sebele II.

Moraga o siela kwa Mosioathunya le Livingstonia mrne o latlhela letlalo koo. C. Kamano ya maina le ditiragalo

Ga go na kamano e e tlharnaletseng mo gare ga maina a baanelwa. Lebaka e ka nna gore ka ntata ya gore batho ba ke baanelwa mme ke batho ba boarnmaaruri ga go kgonagale go nyalanya rnaina a bone le ditiro tsa bone.

(43)

-6.2.2 KAROLOGANYETSO YA BAANELWA KA SETHALO

Ka sethalo, karologanyetso ya baanelwa rna go •<gosi Sebele II e ka nna jaana, go

ya ka sekao sa ga Greirnas (1971 :165): )I'-Kgosi Sebele II Tlhalefang Baruti Batsadi ba gagwe Borangwaneakgosi

Colonel Rey (Moatlhodi)

Morafe wa Bakwena

\ r

(Baganetsi) Ban~Jwe ba rnorafe

6.3.0 NAKO MO GO KGOS/ SEBELE II

6.3.1 PAKA

Ditiragalo mo bayokerafing e, di pakafaditswe. Di sin10lola le botshelo jwa ga

Sebele II. 0 tlhornilwe rna bogosing jwa Bakwena ka 1918.

Paka e e dirisiwang rna bayokerafing e. ke e e fetileng ka ntata ya fa Sehoni a

kwadile bayokerafi e, kgosi Sebele a sa bolo go ikela badirnong.

Ternana e e latelang e sedirnosa lebaka le:

(44)

-"Dikgosi tsa dipaka tsa rnaloba di ne di ratile go intlafatsa ka go tsaya dilo tse dintle tsa tlhabologo ya Bophirima gore di tie go itse go ruta batho ba tsone k<'~ ga tsone" (p.20).

0 tswelela ka tsela e:

"Majwe a ne a santse a tobetsega go le bonolo go batlela nqwana wa kgosi tiro e e mo tshwanetseng rno mesirneng rnrne bogolo tiro ya go kwala g<'~ bornabalane'' (p.26).

Mokwadi gape go tiisa gore tota ka bophara go dirisiwa nako e

e

fetileng rno bayokerafing e, a re:

"Naga e ne e santse e atlhame, kwa le kwa go kokornoga ditotorna tsa rnrnu o o tswang rno rnaleng a lefatshe, rnesi e se l~a mesi, le rnafaratlhatlha a ditshipi tse di tlhatlosang merwalo ... " (p.32).

6.3.2 MALATS/ LE NAKO YA LETS A TSI

Dinako tse rnokwadi a di dirisang rno bayokerafing e. di laolwa ke rnabaka a a farologanyeng. A re lebelele dikao tse di latelang ka kelotlhoko:

"Morwa kgosi a tla gae a tlile boitapolosong mme ya re a tshwanetse go boela kwa sekweleng gape, a le supa ... " (p.20).

Mokwadi o re supetsa nako e rnorwa kgosi a neng a tlile gae ka yone.

0 tswelela ka go re:

"Dinako tse go buiwang ka ga tsone, e rw e le dipaka tsa kagiso f<'l di bapisiwa le tse re leng rno go tsone jaanong" (p.26).

Go tlhalosa rnalatsi a ditiragalo di diragetseng ka one. rnokwadi o tswelela ka go re:

(45)

-159-"Malatsing ao, katara e e bidiwang serope sa ga Satane, e ne e tsenya batho botsenwa fa e tshwerwe ke seitse sa yone" (p.29).

Fa a tswelela pele ka nako ya letsatsi go tlhalosa tswina ya rnoladi wa katara a re:

"Ma letsatsing maladi wa yone o ne a tie o etele tlhaloganyo ya rnmini, o rno gopotse maitsiboa, jaaka rnolodi oo o tla elera mo phefong, o senka ditsebe tsa ba ba o tlhaloganyang" (p.29).

Mo tlhalosang ya gagwe ya pula ya sekolo se segolo sa Rarnrnutla, makwadi o dirisa nako jaana:

"E rile ka kgwedi ya babedi ya ngwaga e se na go rogwa rna ngwageng wa 1916, tshirnega Jenerala Louis Botha a bula sekwele sa Ramrnutla ntswa elikago eli ne eli ise di agwe" (p.43).

0 tswelela ka go re:

"Dipaka tse go buiwang ka tsone ke elipaka tsa rnathata a a neng a akareditse lefatshe" (p.47).

Fa a bua ka nako ya fa batlhabani ba bolola, ba ipaakanyetsa go ya ntweng, go tlhabanela lefatshe Ia bone, makwadi rnalebana le ~ako a re:

"Letsatsi le ne le ya go phirirna fa ba sirnolol8 rnosepele . . . E rile letsatsi le simolola go tlhatloga loapi b8 gololwa go ya kwa rnagaeng a bone ka elikgotla" (p.47).

Fa rnephato ya ntwa e goroga ma gae, rnokwadi o tlhalosa nako ka mafoka a:

"Nako ya ngwaga e nee le e go jewang letlhafula ka yone, dikoloi di tsena rnotse di rnenyarnisitswe ke rnerwalo ya mabele. rnag8pu le marotse" (p.47-48).

Makwadi fa a tlhalosa loso lwa ga Sets hele wa bobedi a re:

(46)

160-"Mo nakong eo ya kutlobotlhoko Sebele II o ne a hutsafetse a robarobegile marapo fela jaaka bommaagwe le bana ba bangwe ba kgosi le one morafe ka tikologo" (p.52).

Mo tlhomong ya ga Sebele II mo bogosing, malebana le nako, rnokwadi o tswelela jaana:

"Ka letsatsi le le beilweng rna kgweding ya Moranang (April) rna ngwageng wa 1918 . .. Sebele a kokornadiwa mo setilong sa gagwe sa bogosi'' (p.61).

Mo gongwe rnokwadi ga a tseparnise nako ya gagwe ka rnokgwa o o usang pelo. 0 na le go phatlalatsa nako ya gagwe rnme selo se, se dire gore rnrnadi a etsaetsege.

A re lebelele sekao se se latelang ka kelotlhoko:

"Mo pusong ya ga kgosi Kealeboga Sets hele II kgosi ya repisa kgole malebana le kiletso ya thupo kgotsa bogwera rnrne ya tswelela le kganelo ya bojale" (p.67).

Mokwadi fa a bua ka ga tshekiso ya ga Sebele II kwa MC~fikeng rnabapi le tiriso ya nako are:

!

"Letsatsi lea duleng mo gae ka lone go ya go reetsa'se a se bileditsweng ka rnogala e ne e le letsatsi le le botlhoko .. . " (p.76).

Mo ntlheng e, gone nako e tsepame, e tlharnaletse gonne letsatsi Ia tsheko ya gagwe le tlhalositswe.

Fa

a

bua ka ga thupiso ya kgatelelo, Seboni a re:

''Dingwaga tse go buiwang ka tsone ke tse sli mo magareng a 1920 le 1929" (p.73).

Nako e supa e le selo sa botlhokwa thata rna tsamaisong ya padi, bogota jang rna bayokerafing jaaka re bone fa godimo.

Referenties

GERELATEERDE DOCUMENTEN

afhankelijk van de keuzes op de ruimtelijke vraagstukken:. - opstellen besluit mer

Op 20 november 2017 heeft de commissie Burgers wensen en bedenkingen geuit op deze stukken en aangegeven of met deze informatie de volgende processtap gezet kan worden

In de media laaiden de discussies hierrond hoog op, onder andere toen onderzoekster Marion van San zich afzette tegen de stelling dat jongeren die naar Syrië trekken vooral

Er worden openbare centra voor maatschappelijk welzijn opgericht die, onder de door deze wet bepaalde voorwaarden, tot opdracht hebben deze dienstverlening te verzekeren.. 1:

Ook in bij de ontwikkeling van de stadswijk Almere Floriade zal de functie van living lab blijven behouden, onder andere door het arboretum, de Groene Campus en de voor de

Het onttrekkingsverbod wordt ingesteld voor de kleine, ecologisch zeer kwetsbare beken.. Deze waterlopen hebben een

Study Abroad/Minor Cross-border Journalism (NL) Arts, Culture &amp; Lifestyle (Eng) Study Abroad/Minor Praktijk semester.. Praktijksemester

Voor de kleuters krijgt u deze op vrijdag of na elk thema mee, in het lager zal dit op maandag